Titus 2

Tse di tshwanetseng go rutwa batho

1Mme wena, buelela go tshela mo go tshwanetseng, mo go tsamaelanang le Bokeresete jwa boammaaruri. 2Ruta banna bagolo go tlhwafalela go nna boikgapo, ba tshwanetse go nna le ditlhaloganyo, ba itse, ba bile ba dumela boammaaruri, ba dira sengwe le sengwe ka lorato le bopelotelele. 3Ruta basadi bagolo go nna maitseo le masisi mo go sengwe le sengwe se ba se dirang. Ba se ka ba tsamaya tsamaya ba bua bosula kaga ba bangwe le gone ba se ka ba nna matagwa, mme ba tshwanetse go nna baruti ba tshiamo.

4Basadi bagolo ba ba tshwanetse go ruta basadi ba meroba go tshela ka tshisibalo mo mekgweng ya bone, go rata banna ba bone le bana ba bone, 5le go nna le ditlhaloganyo le megopolo e e itshekileng, ba nna mo malwapeng a bone, ba le pelonomi ebile ba ikobela banna ba bone, gore tumelo ya Sekeresete e se ka ya tlhapadiwa ke ba ba ba itseng. 6Fela jalo, kgothatsa makau go itshola sentle ka kelotlhoko, ba tsaya botshelo e le selo sa botlhokwa se se tshwanetseng go somarelwa. 7Mme wena ka bowena, o tshwanetse go nna sekao mo go bone ka ditiro tse di molemo tsa mofuta mongwe le mongwe. A sengwe le sengwe se o se dirang se supe lorato lwa gago gore o tlhwaafetse. 8Dikgang tsa gago di tshwanetse go nna botlhale le botsipa gore le fa e le mang yo o batlang go nganga nao a itlhabelwe ke ditlhong gonne go tlaa bo go sena sepe se a ka nyatsang puo ya gago ka sone!

9Kgothatsa batlhanka go ikobela beng ba bone le go leka bojotlhe jwa bone go ba itumedisa. Ba se ka ba fetolana nabo, 10le fa e le go utswa, mme ba tshwanetse go itshupa gore ba ikanyega ka botlalo. Ka go dira jaana, ba tlaa dira gore batho ba tle go dumela mo go Mmoloki le Modimo wa rona.

11Gonne neo e e sa rekweng ya poloko ya bosakhutleng jaanong e neetswe mongwe le mongwe; 12mme mo go yone neo e, go tla temogo ya gore Modimo o batla gore re furalele botshelo jo bo senang Modimo le dithato tsa boleo, mme re tshele matshelo a a molemo, matshelo a a boifang Modimo ka letsatsi le letsatsi, 13re lebeletse nako e ntle eo, e re ntseng re e lebeletse, e kgalalelo ya One e tlaa bonwang, kgalalelo ya Modimo wa rona o mogolo le Mmoloki Jesu Keresete.

14Yo o suleng ka fa tlase ga tshekiso ya Modimo a swela dibe tsa rona, gore a tle a re falotshe mo go weleng gangwe le gape mo sebeng le go re dira ba e leng ba gagwe tota, re na le dipelo tse di tlhatswitsweng le tlhwaafalo ya boammaaruri ka go direla ba bangwe dilo tse di molemo. 15O tshwanetse go ruta bagaeno dilo tse wa bo wa ba kgothatsa go di dira, o ba laya fa go tlhokega jaaka mongwe yo o nang le tshwanelo nngwe le nngwe go dira jalo. Se dire gore le fa e le mang a gopole gore se o se buang ga se botlhokwa.
Copyright information for TsnLEF